Moshe, PaALAPYE
21 January, 2014
KE THUBA PHUTHEGO KA BOITSHWARO JWA ME
Mmamalome
Ke moruti mo kerekeng ebile ke na le mosadi le bana ba babedi ba basetsanyana ba ke ba ratang thata. Ke ne ka segodiwa ka nyalo e e boitshepo ke ntse ke le mo kererekeng e ka ke goletse mo go yone. Jaanong e rile kereke e ntse e gola ga nna le ditlhabololo hale le hale batho le bone ba tla ka dipalo tse dintsi. Ke ne ka simolola go tsietsa mosadi wame ke sa mo fe lorato jaaka pele ke bona o kare ga a sa thole a le montle ka go na le makgarejwana a mantle a a ntlhakanyang tlhogo mo kerekeng. Maswenyana a ga mmaabo ke bona e ka re a a oketsega. Ke tlhakatlhakantse dilo mo kerekeng, bakaulengwe le bazelwane ba a lwa ntateng yame le kereke e ka nna ya phatlalala ka gore go na dingongorego tsa gore go na le bothata mo kerekeng le mosadi wame ga a sa thole a na le tshepho mo go nna. Ka tota tsa senama di etla di tsietsa le bone batlhanka ba modimo ke kopa thuso mmamalome!
Moshe
Palapye
Setlogolo, Ga go ope yo o ka go latlhisang mekgwa e e maswe kontle ga wena monnga yone. Se o se dirang ke matlhabisa ditlhong ebile ke go diga seriti sa Boruti. Phuthego e o e eteletseng pele e lebile mo go wena go ba ruta tse di siameng mme ba tla latlhegelwa ke tshepo mo baruting le mo kerekeng. Latlha mekgwa e e maswe pele ga seemo se tswa mo taolong. ENDS









                    
                    
