Chick magnet, OODI
21 January, 2014
KE PALELWA KE GO NNA LE MOKAPELO A LE MONGWE
Mmamalome
Mmamalome ke kopa o nthuse ke na le mathata a go nna le motho wa mme a le mongwe ebile se se dira gore gongwe le gongwe kwa ke thibelelang teng kgwedi di ka nna pedi e bo ke setse ke nna le bakapelo ba le babedi kgotsa go feta. Ke dirwa gape ke gore batho ba setse ba nkitse lefatshe ka bophara ka ba mphile le leina bare ke nna chick magnet! Fa makgarebe a mpitsa ka lone ke tlhakana tlhogo! Ke lekile go ikgapha le gone go kopa bogakolodi mo makalaneng mme go padile. Malatsi a go golela pele mo ebile ke sa kgoneng go nna malatsi a le matlhano ke sa robale le motho wa mme. Jaanong ke lemogile gore ke tla swela mo toronkong ka ke na le bokoa gape jwa go sa dirisa sekausu mo ke setseng ke na le bana ba le bane ba ke palelwang ke go ba tlhokomela! Bangwe ba re ke ye deliverance kwa kerekeng mme ka tumelo yame e le potlana ga ke dumele mo masalamoseng. Ke kopa o nkgakolole ka gore ke lemoga fa ditiro tsame di nkepela lemena.
Chick magnet
Oodi
Setlogolo, Maikarabelo go fetola boitshwaro jo bo maswe bo mo go monnga bone. Ga go na ope yo o ka go fetolang maitshwaro ko ntle ga gago. Ka jalo ke go gakolola go dirisa dikgakololo tse o di filweng ke ba bogakolodi, eseng jalo o tla thanya lomapo lo le tsebeng. ENDS









                    
                    
