Thata, RANAKA

21 January, 2014

RRAAGWE NGWANAKE  O GANA KA ENE

Mmamalome

Ke ne ka senyegelwa ke mmereko ngwaga ono mo go neng ga dira gore batho ba ke neng ke re ba ka nkgomotsa ba ntlhanogele le bone ebong rraagwe ngwanake le ditsala tsame! Ga ke sa tlhole ke tshela sentle gotlhelele ka gore rraagwe nnana o mo tsere le ngwanake o kganelwa go tla kwa go nna ka gore rraagwe are ga ke na mosola ka ke sa tlhole ke na le seabe sa madi mo kgodisong ya ngwana. Ke na le go etelwa ke badimo ka mowa wa gore ke ikgapele botshelo. Mo Kgweding e e fetileng ke ne ka rwala diete, a nanabela go ya go tlhola morwadiake sebata se go tweng rraagwe se ile tirong.  Ke ne ka mo laela gore botshelo ba mpaletse mme ngwanake o ne a nkgothatsa a bo a mpolelela gore ke seka ka dira sepe se se bosula ka gore o a ntlhoka le ntswa rraagwe a sa batle go bona fa rabanyana yame e gatileng teng. Ke rata rraagwe ngwanake thata mo ke santseng ke eletsa re boelelane mme go thata a ko o thuse setlogolo!

Thata

Ranaka

Setlogolo, ke maswabi go bo o latlhegetswe ke tiro mme ebile le ditsala di tlhanogile. Le fa go ntse jalo rragwe ngwana wa gago ga a na tshwanelo ya go go tseela ngwana ka gore ga o bereke. O na le tshwanelo ya go bona ngwana wa gago o sa kgorelediwe ke sepe. Ka jalo bona ba boipelego ba go thuse kgang ya gago gore o tle o bone ngwana wag ago. Go ikgapela botshelo ga go kake ga go tswela mosola mme ebile e tla bo ele go utlwisa morwadio botlhoko. Morwadio o a go rata, mme go bo o sa bereke ga go kake ga fedisa Lorato lwa gagwe mo go wena. Rragwe ngwana ene o itshupile gore motho yo o ntseng jang. O go rata fela fa o bereka, mme motho yo o ntseng jalo ga se yo o ka ikanyegang. Mo tlhokomologe, mme o lebagane le go godisa morwadio le go batla se o ka itshetsang ka sone. ENDS

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%