Boi, Francistown

25 March, 2014

KE BETELETSWE KE MOHIRI WAME

Mmamalome, ke nna Boitumelo. Ke mosetsana wa kwa Damuchu wa dingwaga di le lesome le borobabobedi. Ke feitse form three mme e rile ke bona botshelo kwa gae bo thatafalela pele ke bo ke ngwega ke ya go batla tiro kwa Francistown. Rre yo mongwe o ne a mphira ebile a sena bothata jwa gore ke ka nna mo ga gagwe. Ke simolotse tiro fela go sena mathata mme e ne ya re morago ga kgwedi tse pedi ke fa e tla a re ke robetse ke fa rre yoo a tla a itatlhela mo dikobong tsame a bo a robala le nna ntle le go nthaya lefoko. Fa a fetsa ke fa a ya kwa kamoreng ya gagwe a bo a ema fa lobating lwa kamore yame a ntshupegetsa thobolo. Monna yo jaanong o mphetotse sedirisiwa sa gagwe mme sebe sa phiri ke gore ga a condomise. Mmamalome tsela pedi ke tseye efe? Fa ke bua ke tshaba gore lekgoa lame tla a nkoba mo tirong, gae gone ke tla boela jang ke dule ke sa laela ebile gongwe ke le mo mmeleng?

KARABO - Setlogolo, ke maswabi ka se se go diragaletseng. Boitshwaro jwa mohiri wa gago ke jo bo maswe ebile ga bo a tshwanelwa go letlelelwa go tswelela pele. O tshwanentse go begelela ba se molao tiragalo eo, mme ebile ga o a tshwanela go tswelela o bereka mo lapeng la sera seo. Setswana sa re “goora motho go thebephatshwa”. Batsadi le ba masika ba tla go amogela fa o boela gae.

 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%