Two tigger, Gabs
25 March, 2014
BANYANA BA TRICKY!
Mmamalome, Ke bone bati ya katse e ntsho e le gone ngwaga o simologang. Ke rre wa dingwaga di masome mararo le botlhano mme ke ntse ke wa ke tsoga le mmenyana mongwe re thusana matshelo. Pelo yame e ne e feletse mo go ene ebile ditsala tsame di re o njesitse. Le fa ke le motho wa di piece job, go ne go ka mpa ga lala nna tlala wa mmenyana ke mo diretse tsotlhe tse a di tlhokang. Fela maloba jaana ka keresemose ke ne ka mo neela P1000.00 a ya gae kwa Nkange mme se se neng sa mmakatsa ke gore o ne a sa nteletse le megala yame a simolola go sa e araba jaaka ke tlwaetse. E rile fela ka January ke fa a nteletsa a re ene o bone monna yo o nang le madi yo o kgonang go mo rekela dimpho ka nna ke a palelwa ke magogorwane fela. Ga se la ntlha Pungie a ntira jaana, fa go tla selo gatwe Valentine o sia le basimanyana a re ga ke beche ke tinto mme morago fa dilo di senyega kwa a teng o a boa a ikoba ka o e itse pelo ya lorato ke tla a bo ke e busa. Ke kopa thuso Mmamalome gore ke dire jang fa fro e ntsaya jaana, kana lenna ke motho ke na le maikutlo ke tla a tloga ke felela ke ile zanting?
KARABO - Setlogolo, Lorato ga lo rekwe. Mosetsana yo o batla dithuso tsa gago eseng wena. Ikakanye gore a o tla kgona go tswelela o ratana le motho yo o ntseng jalo. Basetsana ba ba ntsi , ebile o tla bona yo mongwe yo o tla go ratang ka dinako tsotlhe le ha o sena madi.









                    
                    
