Keitekanetse Mundambeli Siphitiphiti

25 March, 2014

Ke neetswe setsha mo letlotleng la motho

Ke mosimane wa dingwaga tse di masome mararo le boferabongwe. Ke kwala jaana ke robetse ka ntho e tshologa madi ka e rile ka ngwaga wa 2010 ka abelwa setsha sa Lay-out mo Tutume. Ke tshwenyegile jaana ka gore e rile ke se abelwa ka tsenya dipale ka bo ka neelwa setlankana. E ne ya re morago ke re ke ya go teratela ka fitlhela go epetswe dipale tse dingwe tsaaka tse tharo di le kwa ntle e nngwe e le mo teng ebile go teratetswe. Ka bona go le maleba gore ke bone ba kabo ditsha ba Tutume mme ba nthaya ba re ke batle motho wa teng. Ke ile ka mmatla ka mmona mme ka mo itsise gore o batliwa ke ba kabo ditsha mabapi le setsha. Phetolo ya gagwe ya nna gore ya ko bathong bao o re ba go diretse phoso o ba reye ba go fe setsha se sele. E rile ke ya kwa go bone ba kabo ditsha ba nthaya ba re ke kwale lokwalo la go supa gore ke a ngongorega. Ke ne ka kwala mokwalo wa ngongora mme morago ba dira di copy tsa setankana le omang ba di pataganya le lokwalo la ngongorego ba bo ba nthaya ba re ba tla a nkwalela mme fa ke bona ba le maoto a tshupa ka ba latela. Ke ne ka seka ka lapa pelo ka go ba sala morago mme ditlhako di fedile sola mme ga go nko e e tswang lamina. Ke dire jang Mmamalome?

Keitekanetse Mundambeli Siphitiphiti

Maitengwe  

Setlogolo, ke maswabi ka se se go diragaletseng, mme ke go akgolela go bo o sa ipona tsapa ka kgang e ya gago. “Motswana are Moseka phofu ya ga ga bo ga a swe lentswe”, ka jalo ke go gakolola go ikopanya le ba lephata la ditsha le matlo (Ministry of Lands and Housing) kana ba ofisi ya Land Tribunal.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%