Anonymous in Gaborone

25 March, 2014

Ke palelwa ke go mo itshwarela

Ke palelwa ke go itshwarela rraagwe ngwanake morago ga go ntshotlaka ka lobaka. E ne ya re ka ngwaga wa 2007 ra tshola ngwana wa mosimanyana. Pele ke tshola ngwana yo, ke ne ke nna ke latelwa ke basetsana ba re ke ba tseetse mosimane ntswa nna a ne a mpoleletse gore ga a na mokapelo. Ke ne ka mo itshwarela makgetlho a le mmalwa mme phelelong ka mo tlogela ka a ne a le kgatlhanong le go dirisa sekausu a re se direletswe batho ba ba tsietsanang. Nna ga ke nwe bojalwa mme rraagwe ngwanake o ne a nwa ebile a goga motsoko e be e re morago a bo a batla ke robala le ene. O kile a nkimisa makgetlho a le mabedi e be e re morago a mpatleletsa go senya boimana. Tse tsotlhe tse a di ntirileng di santse di nkhupeditse, ke mo ila mo ke mo eleletsang loso. Ke na le kgotlhang ya dikakanyo e e nketefaletsang go ka tswelela ke ratana.

Anonymous

Gaborone

Setlogolo, rre yoo o go itshupeditse gore ke motho yoo ntseng jang. Ipotse gore a o batla go tshela le motho wa boitshwaro jo bo ntseng jalo, yo o go sotlang go le kalo. Ga go na mosola go itshokela dilo tse di ntseng jalo, mme ebile ngwana wa lona o tlhoka go godisiwa mo lwapeng le le nang le boitumelo le lerato.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%