Concerned Boyfriend
25 March, 2014
Ke tshaba go bolelela mokapelo gore ke nwa diritibatsi
Ke rre wa dingwaga tse di masome a mane mme ke mo lenaneong la diritibatsi. Ke tshaba go bolelela mokapelo wame ka seemo same ka ke tshaba gore o tla a ntlogela. Fa mmenyana yo a nketetse ke emela gore a thulamele e be e le gone ke kgonang go ya go di nwa kana ke tsoga phakela a santse a robetse ke dira e kare ke ya go tlhapa meno. Fa e le nna ke mo etetseng go nna thata ka gore gantsi ke batla go goroga a ise a boe kwa tirong e be ke ya go epela dipilisi tsame kwa tshingwaneng ya merogo. Ke bona sebaka sa go di nwa fela fa a ile tirong kana ke tlamega go kubugela kwa tshingwaneng ke re ke ya go nosetsa. Kgang e e mpheletsa masole a mmele, thusa Mmamalome.
Concerned Boyfriend
Setlogolo, nngwe ya dilo tse di botlhokwa mo loratong kana lenyalo ke boammaruri. O tshwanetse go bolelelea mokapelo wa gago nnete, mme ebile o bo o mo fe sebaka sa go ikakanya gore a o batla go tswelela ka go ratana le wena. Ga go na jaaka le ka tshela sentle mmogo le sa itsisane nnete ka matshelo a lona. Mme gape ke molato go tlhakanela dikobo le motho mme o sa mmolelela ka botsogo jwa gago.









                    
                    
