Moipolai, Ranaka
27 April, 2014
	NGWANAKE GA A NTHEEETSE
	E le ruri ka e tlhoka ka tlhoka boroko, ka e rua ntse ka bo tlhoka hela. Ke na le ngwana wa mosimane o dingwaga di le masome a mabedi le botlhano. Mosimane yo ke mo godisitse e le ngwana yo o tsebe mme e rile morago ga go bona tiro ko moepong a fetola boitshwaro. O rekile koloi e e tlholang e tsositse modumo o kare waelese ya kwa sepotong se nka sekeng ka se bua ka leina. Sa gagwe ke go tlhola a nwa bojalwa le basimane ba ditsala tsa gagwe ba sasankega  mo motseng ka yone lori e. Ke lekile go bua le ene o kare ke  betsa letlapa mo go le lengwe ebile ke tlhapile diatla. Koloi e e setse e na le kgwedi tse pedi mme mongwe le mongwe o setse a e itse ka e tlhola e thuntshitse dithole gare ga motse. Sebe sa phiri ke gore le sone setankana ga a na naso. Ke bua se ke utlwisiwa botlhoko ke gore o ntshentse leina, o tla a felela a baka le tsone dikotsi le yone tiro e tla a mo senyegela  ka gore nako dingwe ga a theogele a  le mo sediding sa nno tagi. Tota fa ngwana a palela nna rraagwe emang a tla a mo kgonang!
KARABO - Setlogolo, ke maswabi ka gore ngwana wa ga go e setse ele monna, yoo o nang le maikarabelo ka jalo ga go gontsi mo o ka go dirang. Kopa thuso ya masika jaaka bo malome le bagolo ba bangwe ba o itseng morwao a ka ba reetsa. Ba makgotla le bone ba a tle ba agisanye ba malapa fa go na le tlhoka kutlwisisano. Fa a pala go reetsa dikgakolo tsa ba masika le lekgotla ga go na se o ka sedirang fa e se go emela gore gongwe a itharabologelwe.









                    
                    
