Moitlhobogi, Kang
27 April, 2014
	KE PALETSWE KE SEKOLO
	Ke mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro ke feitse Form 3 ngogola ka ke ne ke le mongwe wa ba ba fetisetsweng fela go ya go dira Form 1. Tota nna ke simolotse go sa dira sentle fela go tswa kwa moding ka ke goletse mo sepotong ke rekisa khadi. Batsadi bame ba ne ba sa nthuse ka sepe fela se se amanang le tsa thuto sa bone e le go batla ke itse chenchi fela. Bankane bame ba tsweletse kwa sekolong se segolwane nna ke tlhola ke rekisa bojalwa ka ke jone jo re itshetsang ka jone e bile ga go thona gore ke bo ke bitswa Rrasepoto. Ke gone ke lemogang gore tshelo jo ke bo tshelang jo ga se jone, jo ke neng ke bo eleditse bo fifaditswe ke batsadi bame. Ke a tle ke etelwe ke mogopolo wa go ikgapela botshelo ka ga ke na mosola mo sechabeng mme ka bona gore ke bue le mongwe yo o ka mphang kgakololo e e botoka ka batsadi bame ba le kgakala thata le botshelo jo bo siameng. Mmamalome nthuse le nna ke nne le lesedi.
KARAB0 - Setlogolo, Go bo o reteletswe ke pasa lokwalo lwa boraro ga go ree gore go fedile ka bokamoso jwa gago. Goromente o simolodisitse mananeo a le mantsi a ka one a thusang banana. Lengwe la one ke go thusa banana go boela dithuto (back to school). Gape go na le go ithuta ka tlhaeletsanyo le ba BOCODOL. Ikopanye le ofisi ya thuto e e gaofi le wena kana le ba ofisi ya banana e e gaufi mme ba tla go gakolola gore tsela o ka tsaya efe.









                    
                    
