Metha, Mathangwane
27 April, 2014
	KE FARAFERWE KE DIKOLOTO
	Ngwaga o o fetileng go ne go leba yo o sebete  ke le mo loratong le lesha ke eja madi a ke neng ke a adimile mo makalaneng a a adimisang madi. Ke setse ke tshaba batho le ditsala tsame tota ka gore motho yo ke neng ke e ja madi le ene o mphuagantse jaanong ke sokola ke le nosi. Ke nnile le dikakanyo tse dintsi tsa gore ke ka ipolaya jang mme ka bona go le botoka go lebagana le mathata ka gore ke nna ke a bakileng. Le fa  kgwedi e fedile e nna o kare ga ke bereke ka ke tsaya bonyenyane jo le jone bo sa lekaneng ka ke tlhokomela bana ba babedi yo mongwe ko Tobane yo mongwe ko Semolale. Ke tshela ka lobelo fela ka gore batho ba ke ba kolotang ba bangwe ba bone ba ntatela kwa lwapeng ba shakgetse mo lenna go ntshosang. Ke setse ke lapisetswe ke go nna ke iphithile o kare ke tshameka black mampatlile ka gore le tiro e ka fela ka bangwe ba ntatela kwa tirong. Ntlu yone e setse e le lehalahala ka ba tsere sengwe le sengwe. Tota ga go ope yo o batlang go reetsa selelo same ka jaaka ke bone gore ke kope thuso mo go wena mmamalome!
KARABO - Setlogolo, go ikgapela botshelo ga se tharabololo ya mathata mme ebile go iphitlha le gone ga go na go go tswela mosola. Nna fa fatshe o kwale dikoloto tsotlhe tse o nang le tsone, mme o lebe gore o ka kgona go duela bonnyenyane jo bo kae mo go tsone ka kgwedi ,o buisane le ba o ba kolotang go dumalana gore o tla ba duela bokae ka kgwedi. Sengwe se se botlhokwa ke gore o seka wa dira dikoloto tse disha mme gape o diragatse se o tla bo o se dumalane le ba o ba kolotang.









                    
                    
