Ditiro, Maun
04 July, 2014
Ke nyetse bodipa
Ke rre wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano, ke ne ka tsena mo nyalong e e seng boitshepo ka mosadi yo ke mo nyetseng a setse a fetogile e le ene tlhogo ya lelwapa. Mme yo ke ne ke mo rata thata le ene a nthata fela thata mme go mo tsenya pala monwana ya nna o kare ke kgotlhile semana. Ga a sa tlhola a ntlhatswetsa jaaka pele le dijo o apaya gangwe fela mo ngwageng. O beile sengwe le sengwe mo mmeng yo o re thusang yo le ene o fitlhelang a apeile nama e e moro ekare ya mmutla. Le fa e le mo kamoreng ya rona ya borobalo ga a kgome le fa e le sepe. Ka o dirisa bodipa go supa gore o na le madi, sa gagwe ke go tlhola a penta dinala. Ke lekile go bua le ene go padile. Batsadi ba lekile go kgalema mme ba paletswe le bone ba bone gore ga kena phoso epe e ke e dirileng. Fa nne go kgonagala nkabo ke tlisa mosadi wa bobedi mo lwapeng gongwe nne nka tshela sentle. Tsela pedi ke efe, a ke thale mosadi yo kana ke mo tlogele mo lwapeng ke ye go iphirisetsa ke nne ke le nosi?
Ditiro
Maun
Setlogolo, Molemo wa kgang ke go buiwa. Gongwe ke tsela e o buang kgang ka yone ga e bereke ka gore o kgala mosadi wa ga go thata. Nna le ene fa fatshe o bue le ene ka lorato o mmontshe gore o eletsa go ja dijo tse di apeilweng ke ene o bo o mmontshe gore dijo tse di apeilweng ke ene di gaisa tsa maid ka jalo o eletsa gore a nne a go apeela. Go bua le ene o mo supa ka monwana ga go nke go ntshe maduo a a botoka ka le ene o tla supa diphoso tsa gago. O ka kopa bogakolodi ko go bo mma boipelego gongwe mosadi o ka ba reetsa ka gore bone ga ba lo itse ka jalo ga ba kake ba tsaa letlhakore.









                    
                    
