Ba Mmandunyane

04 July, 2014

RE IPOPILE RE BANTSI KA PALO

Re kwalela Kutlwano re na le mathata mo motseng wa Mmandunyane. Santlha re bua ka tshenyetso sechaba ya motse, bogogi jwa motse ke masika le bogosi tota ba boikgagapeletse mme beng ba jone ba le teng. E re ntswa go ntse jalo, ene yo o kwa tlhogong o rata tshele le dilo tsa batho, ga a tsamaye dintsho tsa rona ba basetlha. O rata gore batho ba na le badisa ba matebele mme ene ba gagwe ga a ba tsenye mo teng. Re le bantsi ka palo, re kopa dikgosi tse di tlotlegang di tle go bona tsamaiso ya motse wa Mmandunyane re babaletswe. Re gola re itse gore moeteledipele ga a bifele batho mme mo garona go thata ka e bile go jewa ka losika. Yo mongwe o eteletse VDC o a amogela mme fa go tla mananeo a ditiro ke ene yo o a tsayang jaaka go olela matlakala go ne go tilwe go batliwe batho ba dikotsekara a pala padi. O tsaya bone ba Ipelegeng ba mo thusa go olela matlakala. Nnyaya, re kopa thuso mmamalome le khansele a e tsenngwe leitlho. Re bua go se monate mo go rona.

Ba Mmandunyane

Batlogolo

Kgang ya lona ke e tona thata gape e akaretsa melangwana e le mentsi. Ke dumela gore le itse gore kgang ya tshenyetso sechaba ke e e masisi mme ebile fa ele gore go diragala jalo le tshwanetse gore e be le na le bosupi jo bo nonofileng go bo supa fa pele ga ba molao. Ke kgang e e ka tseelwang dikgato tse di maleba.   ke utlwa selelo sa lona sa gore ditiro tsotlhe di mo diatleng tsa losika mme ke re kana go na le ka fa go dirwang gore se, se se seka sa tswelela jaaka go tshwara ditlhopho tsa VDC. Se se ka thusa go baakanya dilo. Mme e bile le ka ikuela ko go molaodi wa Ditlhabololo go gakolola.  Mme gape le gakologelwe gore baeteledipele ke batho, fa ba dirang diphoso ba kgonwa go kgakololwa mme ba baakanye. A le setse le buile le kgosi mo go tlhokang gore le bitse batho ba ba tswang go ntle. Fa gongwe re kgona go bona dilo ka leitlho le sele mme e re le buisana o lemoge gore ga go bosula bope. Jaanong ithulaganyeng pele, le kope bo ralekgotla go nna mo bokopanong jo, go gakolola.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%