Kedisaletse Kethobogile, Tonota

11 December, 2012

POTSO - Ke batla go ithuta go sega le go kgabisa diaparo 

 

Ke lemogile fa Motswana a rata mmala wa lefatshe la gagwe jaanong ke batla go ithuta go sega le go kgabisa diaparo ka mmala wa folaga ya lefatshe la rona.

Ke eletsa go dira tiro e e le maiteko a go sireletsa ngwao ya rona gore e seka ya nyelela.

Gape ke dumela gore kapari ke yone e gantsi e kgonang go supa gore motho ke wa letso lefe.

 

KARABO

 

Go nale dikolo tsa ithutelo tiro ya diatla tse di rutang ka go sega le go roka diaparo, mme ke dumela gore fa o ka ikopanya le tsone o ka nna le sebaka se sentle sa go fetola toro ya gago boammaaruri.

Jaaka o boletse, kapari e botlhokwa thata mme ka jalo ke go akgolela keletso ya gago ya go thusa go tshegetsa kapari e e ka tlhaolang Batswana mo ditshabeng tse dingwe.

Dingwe tsa dikole tseo ke tsa vocation training centre (VTC). 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%