Maatla Moroka, Mmadinare
11 December, 2012
Ke kgokgontshiwake mokapelo
POTSO
Ke rre wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano.
Ke ratana le mme wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi.
Mme yo ke tshotse ngwana le ene.
Mathata ke gore mme yo o a nkgokgontsha o batla ke nna ke mo fetse madi ruri mme le fa ke a ntshitse ga a kgotsofale.
O setse ebile a nna a ntshosetsa ka loso a re ke tla swa ke sa laela.
Ke ntse mosima wa phika ka marago Mmamalome ebile ke akanya go kgaogana le ene ka ke lemogile fa a sa nthate a ipatlela ditsame fela. Nthuse Mmamalome.
KARABO
Kgang ya gago ke a e utlwa.
Ga go tlhalosege mo lekwalong la gago gore a o kile wa leka go bua le mokapelo wa gago ka matshwenyego a o nang le one.
Fa o dirile jalo mme seemo sa seka sa fetoga o ka tsholetsa diatla wa ikgogela fa morago mo botsalanong jwa lona.
Kana gatwe go tholwa ga monna ga se go lema dinaka.
Ka matshosetsi a loso o ka kopa thuso kwa go ba sepodisi; kana go tshosetsa botshelo jwa motho ke molato o motho a ka o sekisediwang a ba a atlholwa.
Le fa go ntse jalo, Mmamalome o tshwenngwa ke sengwe ka wena setlogolo.
Ke ipotsa gore ka go lemotshega fa o kopane le mokapelo wa gago a le dingwaga di lesome le botlhano a go ratana ga lona ga go a mo kgoroletsa go tswelela le dithuto.
Mme e bile ka nako eo o ne a le kwa tlase ka dingwaga go ka tsaya ditshwetso ka tlhakanelo dikobo. gape ke molato go tlhakanela dikobo le motho yo o dingwaga di ka fa tlase ga lesome le borataro.
Se se a tshwenya ka jalo ga ke se rotloetse.









                    
                    
