Tshepelo , Kumakwane
11 December, 2012
Ke buile ke lapile
POTSO
Mmamalome nthusa, ke na le ngwana wa mosetsana wa dingwaga tse 19. Ngwana yo o goletse mo kerekeng e le ngwana fela yo o nkutlwang mme fa e sale rraagwe a tlhokafala ka 2008 dilo di fetogile. Ngwana yo ga a aka a dira sentle mo maduong a mophato wa botlhano. Ka 2010 ke ne ka mo duelela gore a kgone go kwala gape a tle a kgone go bona phatlha kwa UB. Ngwana o ne a simolola sekole fela sentle a pasa mme ga senyega fa a sena go kopana le rre mongwe. Rre yo wa moagisanyi ke kile ka mmitsa ka leka go mo kgalema le go mo lemosa gore ngwanake o santse a le monnye go ka nyalwa. Ke ne ka bitsa bo malomaagwe ba bua le ngwana ka a ne a setse a nna fela ko go rre yoo. Masika a ne a mo latela kwa monneng yo ba mo lebisa fa e se segarona mme e bile ngwana yo a santse a le mo tlhokomelong yame mme go lebega ke sa utlwala ka se se tsweletse. Bosheng ke ne ka bidiwa kwa sekoleng ka tlhalosediwa gore ngwana ga a tsene sekole. Tota ke lekile ga ke sa itse gore ke reng. Mmamalome nkgakolole gore tsela ke tsaya efe jaanong. A molao o ka nthusa mo kgannyeng e?
KARABO
Kgang ya gago e utlwisa botlhoko e le ruri bogolo jang fa go bua motsadi. Se ke kgwetlho ka jaana o batlela ngwana wa gago bokamoso jo bo botoka. Mme fela nka go gakolola go ikopanya le ba lephata la boipelego. Le bone ba kwa sekoleng ba na le barutabana ba ba sidilang batho maikutlo, ba kope go go thusa go bua le ngwana ba mo lemotshe botlhokwa jwa go reetsa molao wa batsadi le go tsena sekole. Fa e le gore rre yo o rata ngwana wa gago o ka mo letlelela go fetsa sekole a itse fa e tlaa nna mothusi wa gagwe kamoso. Thuto ke yone konokono ya botshelo ka gore fa o sa rutega go thata go bona botshelo jo bo rileng mo malatsing a gompieno. Mo godimo ga moo botshelo bo motlhofo le bereka lotlhe, le gore fa yo mongwe a ka tikela o ka kgona go tswelela o itshetsa.









                    
                    
