Angel, Francistown
11 December, 2012
Ke tlhorontshwa ke dintsa
POTSO
Kana molemo wa kgang ke go buiwa, ke nna mo Somerset mme ga ke nne sentle ke dintsa tsa lefelo le. Moagisanyi wame o ruile dintsa mme ga a di tlhokomele. Dintsa tse di goletse mo matlhong a me mme fela fa di dira molato o a di itatola. Ngwaga e e fetileng nngwe ya dintsa tsa gagwe e ne ya loma ngwana wa sekole, ya re a begelwa molato a latola a re dintsa tse di tletseng mo ga gagwe ga se tsa gagwe, ya gagwe e nngwe e bile ga e lome. Gompieno ga re a tsoga mo lekeishaneng re ola dintsa tsa gagwe. Fa o mo lebisa bothata jo a re re seka ra mmolelela re bolelele beng ba dintsa ka e se tsa gagwe. Tota fa e le gore dintsa tse ke matimela re ka thusiwa jang ka e bile di tlatsa tikologo leswe ka go diga ditanka tsa matlakala.
KARABO
Le fa go twe ntsa ke tsala ya motho fa di senya e nna mathata. Kgakololo yame ke gore bona ba khansele ba bye law gore ba tseye dikgato tse di lebaneng. Ka fa molaong wa toropo dintsa ga di a tshwanela go gobeya mo mebileng di sa tlhokomelwe. Ke molato o mong wa tsone a ka tseelwang kgato kgotsa di bolawa ka ga di na mong.









                    
                    
