Masedi, Tsabong
11 December, 2012
O loba ngwana
POTSO
Ke mme yo o nang le lelapa la gagwe mme e bile ke dumela thata mo Modimong. Mme Mmamalome ga ke je diwelang ka kgaitsadiake a ntshedisetsa mo maakeng. Rre yo jaanong a leng monna wa lelwapa o na le ngwana yo a mo tshotseng bogologolo a ise a ba a kopane le mosadi yo a mo nyetseng. Ngwana yo o setse a godile. Pele ga moo, o ne a ntse a tlhokomela ngwana. Ya re fa a tlhalosa gore o a nyala, ka mo gakolola go bolelela mohumagadi ka ngwana. A gana a ba a thikitha tlhogo. Jaanong o tlhokomela ngwana mo sephiring a nthoma, selo se e leng gore ga ke se rate. Mmamalome ga ke batle kamoso mosadi wa gagwe a ntshupa ka monwana gore ke ne ke mo direla boferefere le monna wa gagwe. Kgang e e ka dirwa jang gore go nne le kagiso?
KARABO
Ke ipotsa gore ke eng kgaitsadio a ne a loba ngwana, kgotsa gore o ne a mo tlhabisa ditlhong. Mme kana se se botlhokwa ke gore e ka bo fela erile kwa tshimologong a tlhalosa fa a na le ngwana, fela fa e se gore gongwe go na le se a se fitlhang. Kgakololo yame ke gore nna fa fatshe le kgaitsadio o leke go mmotsa mabaka a go loba ngwana. Fa e le gore ga go na lebaka lepe fela mo rotloetse go dira boamaruri mme a dire jalo ka thuso ya ba boipelego ka gongwe go tlhokega gore ba lelwapa la gagwe ba sidilwe maikutlo le go kaelwa ka fa ba rarabololang kgang ka teng. Mme hela mo itsese gore wena ga o kake wa tswelela o dira dilo ka bokukuntshwane ka seo se le kgatlhanong le tumelo ya gago ebile go ka dira gore fa sephiri se tswa batho ba go tlhoboge.









                    
                    
