Tinah, Mokolodi
11 December, 2012
Matsale ga a mpatle
POTSO
Mmamalome ke na le ngwaga tse pedi ke nyetswe, mme ebile ke nyetswe ke monna yo o nthatang. Mathata ke mmaagwe. Pele ga re nyalana mme yo, o ne a nthata jaaka ngwana wa gagwe le nna ke mo rata tota. Mathata a tswa fa re mo tlhalosetsa gore re bone setsha re batla go ikagela, mosadimogolo a gana a re re tshwanetse go aga mo lwapeng. Re lekile go mmontsha gore ga go kake ga nna sentle bogolo jang ka go na le masiela a a tshwanetseng go sala mo lapeng. Se sa kgopisa mosadimogolo thata, ra bitsa bokopano jwa masika go mo lemotsha se. Mme a seka a reetsa a tlhalosa fa ke tlhakanya ngwana wa gagwe tlhogo, e bile ke batla go ba kgaoganya. Ka tswa mosadi yo maswe lerato le ile. Ke leka go dira tsotlhe go mo kgotsofatsa mme ga go na tema. Ke dire jang Mmamalome ka ke rata mme fela thata.
KARABO
Selo se se botlhokwa fa gare ga batho ke kutlwano le tirisanyo mmogo. Mme tse tsotlhe di tsalwa ke lerato. Ke lemoga fa o le motho yo o nang le boikarabelo ebile o rata motsadi wa gago. Se fele pelo, leka go mo pepetletsa go mmontsha mabaka a se o se buang. Kana fa gongwe go sokolola motho ga go motlhofo ebile go tlhokana le methale e mengwe ya go buisana le ene. Kgakololo yame ke gore tswelela o buisana le ene, Tshepo yame ke gore e tlaare bofelong a go utlwe.









                    
                    
