Letty, Bokaa
11 December, 2012
Ga a ikamogele
POTSO
Mmamalome kgaitsadiake o palelwa ke go ikamogela ntswa rotlhe re lemoga fa a sa tsoga gotlhelele. Kgaitsadiake o ne a ntse a nna le mmaagwe bana ba gagwe mo Gaborone mme ya re ngwaga e e fetileng a tla le mme yo, yo o neng a solofetse ngwana wa botlhano kwa gae. Mme ra lemoga fa mme yo o sa tsoga, ra mo ragosetsa kwa sepateleng kwa a neng a thusiwa go belega ka loaro. O ntse dikgwedi tse pedi le ngwana a ba a tlhokafala. Morago ga phitlho batsadi ba gagwe ba re rebola bana, ba ba mo tlhokomelong ya rona ka nakwa e. Mme ka re itse se se jeleng mmaabo ra gakolola mogoloarona gore a itlhatlhobele mogare wa HIV mme o a gana. A re mosadi wa gagwe o ne a jesitswe. Go botlhoko ka le ene re a mmona gore o a fela jaanong ga re itse gore re dire jang ka e le mogolo e bile a na le ditshwanelo. Re rata kgaitsadia rona fela thata. Re dire jang gore a dumele.
KARABO
Go thata gore batho bangwe ba ikamogele seemo. Mo gongwe go dirwa ke tumelo tsa rona tse di farologanyeng. Ke ka le gakolola gore tswelelang le leke go mo sosoetsa, le nne le ene fa fatshe le leke go mmontsha mabaka a gore a itlhatlhobele mogare nako e sale teng. Ga o a tlhalosa gore o itse go bala, fa e le gore o a itse, leka go mo rotloetsa go bala. Mo godimo ga moo o ka mo rotloetsa go bona ba boipelego kgotsa ba bongaka gore ba bue le ene.









                    
                    
