K. M. Moment Nkange
11 December, 2012
Mmamalome
Ke a dumedisa Mmamalome, ke mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi. Ke kopa thuso mo go wena motsadi wame. Ke batla nyalo ka pelo e e botlhoko. Banna botlhe ba ke kopanang le bone ba re ke tshole ngwana pele ga nyalo mme nna ga ke batle ngwana pele ga lenyalo. Selo se se ntira motho yo o maswe thata mo bathong ba ke kopanang le bone. Bangwe ba re kolojwane e nngwe e tshwanetse ya bo e golotse. Fela fa monna a umaka ngwana nna le ene re a kgaogana. Nthusa Mmamalome, a ke segole kgotsa jang?
K. M. Moment Nkange
Setlogolo
Nnyaa mma, ga o na bogole bope. Go supa fa o na le boikarabelo ebile o itse ditshwanelo tsa gago. Go le gantsi borre ba gatelela bomme ba ba rontsha ditshwanelo tsa bone, mme bontsi jwa bomme bo felela bo ineela ka go leka go itumedisa motho yo mongwe ka tsela e e leng gore e felela e ba beile ka fa mosing. Kgakololo yame ke gore tswelela fela ka maikemisetso ao. Yo o batlang go go nyala o ya go dira jalo ka pelo ya gagwe yotlhe a sa mo reke ka ngwana. Lerato le tla pele ebile ke lone le tlaa dirang gore rre yo o batlang go go nyala a tlhomphe maikutlo le dikeletso tsa gago. Ebile o seka wa itlhoboga ka o sale monnye. Bangwe ba atle ba re se nkganang se nthola morwalo ka gore fa rre a re o batla ngwana pele ga o oitse gore o ya go felela batla eng gape se gongwe o tlaa palelwang ke go se dira. Fa motho a go rata o nna fa fatshe le wena mme le boisane ka dikeletso le maikemisetso a lona boo-babedi, mme le felele le dumalana se se tlaa le kgotsofatsang lotlhe.









                    
                    
