Ditlogolo

11 December, 2012

 RE SOTLWA KE BAPHAKISI MO BOTETI

Mmamalome

Re kwala jaana e le la ntlha re kwalela koo ka ngongorego ya rona mo Boteti. Ngwaga ono re phakisiwa ke batho ba ba sa direng le rona ka fa re tlwaetseng ka teng. Re bua ka mophako wa melora. Re sale re tewa go twe Tlhakole a tlhole lesome le boraro go phakisiwa fa ofising ya bommaboipelego, ra tlhola foo, tsatsi la la ba la phirima.

Labobedi ra nna ra tlhola foo gape go se na nko e tswang lemina. Motho yo o re thusang o ne a goroga ka Laboraro motshegare mme le fa a tla ga a ise a kope maitshwarelo ka se a se dirileng.

Selo seo ga se a re itumedisa gotlhelele. Re bona a sa re bone re
le batho ba sepe go kopa maitshwarelo ka se a se dirileng. Re ne ra bolelela mokhanselara, a botsa bommaboipelego, mme ba itatola. Selo se se botlhoko ke gore bagolo ba ne ba batla go ya masimo mo malatsing a ba a tlhodisitsweng kwa diofising go se na se se diragalang. Kana mmidi o mo tshutlheng kwa masimo, ga se nako ya go tlhola mo gae nako eno. Ga re a tshwanela go bogisiwa jalo, batho ba a duelwa ga ba fe bana mahala. Re Penka leboga thata fa mafoko a rona a ka gatisiwa.
Mopipi Boteti .

Ditlogolo

Kgang ya lona e utlwisa botlhoko e le ruri. Ga se tshwanelo gore le bo le tlhodisitswe foo lebaka le le kalo. Modiri wa puso o tshwanetse go sala melao
ya morago. Le ka setho sa rona fela fa motho a
dirile phoso o ikopa maitshwarelo. Mme fela ga
twe moseka phofu ya gagabo ga a swe lentswe. Kopanang le baemedi ba lona mo kgaolong, le ene mopalamente tota go mo lebisa ngongorego ya lona. Fa o lwela ditshwanelo tsa gago ga o a tshwanela gore o itlhoboge, e seng jalo go tlaabo go ipogisa wena.

Ka jalo tswelelang le buisana le bagolwane le baemedi ba lona jaaka mopalamente go fitlhelela kgang e rarabololwa fa e le gore mathata a tsweletse.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%