Khumo in Jwaneng

11 December, 2012

QUESTION

Mmamalome: Ke mosetsana wa dingwaga tse di masome a mararo le bone. Erile ka ngwaga wa 2002 ka segofadiwa ka ngwana wa mosetsana, mme dikgwedi morago ga seo rraagwe ngwana a bolela fa a batla go nyala. Ke ne ka batlwa ka fa Setswaneng. Ngwaga o o latelang wa 2003 mokapelo wame a simolola go nna mo go nna ka difeisi mme tota ke sa itse gore ke iteelwang. Bomogolowe ba ne ba leka go bua le ene mme a sa ba reetse. Go ikuela kwa mapodising le gone ga seka ga ntswela mosola. Erile ka 2004 a mpetsa mo go masisi a bo a tshosetsa go mpolaya. Mapodisi a ne a tla go mo tsaya a mo tlhatlhela, mme letsatsi la tiragalo eo ya nna lone la bofelo ke mmona ka matlho. Ya re ka ngwaga wa 2010 ka utlwa mogolowe a re o boile mme ka tsaya matsapa ka mo leletsa ke mo kopa gore a nthuse go tlhokomela ngwana. O ne a solofetsa gore o tla dira jalo mme se sa seka sa diragala. Ke ne ka mo isa kwa go ba molao mme kgang ya gagwe ya nna gore ga a bereke. Ke kopa thuso Mmamalome.

 ANSWER

Setlogolo: Kgang ya gago nka e araba ka go go gakolola gore o ikopanye le ba molaodi wa kgaolo ya gago go tlhotlhomisa boammaruri kgang ya gore ga a bereke. Le wena fela jalo o ka itirela ditlhotlhomiso tsa gago gore fa oya kwa ga molaodi o bo o na le bosupi jo bo tletseng. Molaodi le ene o tla go thusa go isa kgang ya gago fa pele ga lekgotla go motlama go diragatsa tlhokomelo ya ngwana. ENDS

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%