Khumo in Jwaneng
11 December, 2012
QUESTION
Mmamalome: Ke mosetsana wa dingwaga tse di masome a mararo le bone. Erile ka ngwaga wa 2002 ka segofadiwa ka ngwana wa mosetsana, mme dikgwedi morago ga seo rraagwe ngwana a bolela fa a batla go nyala. Ke ne ka batlwa ka fa Setswaneng. Ngwaga o o latelang wa 2003 mokapelo wame a simolola go nna mo go nna ka difeisi mme tota ke sa itse gore ke iteelwang. Bomogolowe ba ne ba leka go bua le ene mme a sa ba reetse. Go ikuela kwa mapodising le gone ga seka ga ntswela mosola. Erile ka 2004 a mpetsa mo go masisi a bo a tshosetsa go mpolaya. Mapodisi a ne a tla go mo tsaya a mo tlhatlhela, mme letsatsi la tiragalo eo ya nna lone la bofelo ke mmona ka matlho. Ya re ka ngwaga wa 2010 ka utlwa mogolowe a re o boile mme ka tsaya matsapa ka mo leletsa ke mo kopa gore a nthuse go tlhokomela ngwana. O ne a solofetsa gore o tla dira jalo mme se sa seka sa diragala. Ke ne ka mo isa kwa go ba molao mme kgang ya gagwe ya nna gore ga a bereke. Ke kopa thuso Mmamalome.
ANSWER
Setlogolo: Kgang ya gago nka e araba ka go go gakolola gore o ikopanye le ba molaodi wa kgaolo ya gago go tlhotlhomisa boammaruri kgang ya gore ga a bereke. Le wena fela jalo o ka itirela ditlhotlhomiso tsa gago gore fa oya kwa ga molaodi o bo o na le bosupi jo bo tletseng. Molaodi le ene o tla go thusa go isa kgang ya gago fa pele ga lekgotla go motlama go diragatsa tlhokomelo ya ngwana. ENDS









                    
                    
