Ndadziila in Mapoka
11 December, 2012
QUESTION
O GANA GO YA GO ITLHATLHOBELA MOGARE
Mmamalome
Mmamalome, ke mosetsana wa di ngwaga tse di masome a mabedi le boroba bongwe. Ke tshedisanya le rre yo o mphetang ka dingwaga tsenne. Rre yo re sale re tsena mo loratong re santse re le kwa sekolong ebile re na le ngwana yo o ngwaga tse tlhano. Sebe sa phiri ke gore mokapelo wame ga a dumalane le go nna re etela Tebelopele go itlhatlhobela mogare. Fela fa ke bua ka kgang ya teng o a nkgadimola a bo a re ke tshwanetse ke bo ke simolotse go mo tsietsa. Le nako e ke neng ke itsholofetse ke ne ka ya go itlhatlhoba ke le nosi ene a re o tla itse seemo sa gagwe ka maduo ame. Se se dira gore ke seka ka motshepa e bile ebile ga se ntshedise sentle ka malatsi a a re ene ga a batle go dirisa sekausu ka go lobaka re le mmogo. Gakolola Mmamalome ka tota ga ke batle go tsenya botshelo jwa me mo diphatseng.
ANSWER
Setlogolo:Ke itumelela maitlamo le maikemisets o a o nang nao a go dibela botshelo jwa gago. Ga se ba le bantsi ba ba kgonang go tsepama mo maikemi setsong a bone jaaka wena mme e re ba bona mo koro ekete o tla nwela ba kope dikgakololo. Selelo sa gago setlogolo se a utlwala. Kgakololo yame mo go wena ke gore o kope mokapelo wa gago gore le tsamaele fa kokelwaneng kgotsa kokelo e e gaufi go bona ba bogakolodi ba tle ba mo tlhalosetse ka botlalo ka botlhokwa jwa go itlhatlhobela mogare. Kana fa o ka ela tlhoko go na le mabaka a a farologanyeng a a tshabisang batho bangwe go ikatametsa ditirelo tsa botsogo. Ba bangwe ba na le poifo ya gore fa maduo a ka tla a supa fa ba nale mogare ba tla seke ba kgone go ikamogela. Le fa go ntse jalo, go nale ba ba sa itlhatlhobeng fela ka ntlha ya go tlhoka boikarabelo. Tsaa kgato le kope bogakolodi. ENDS









                    
                    
