Orethusitse Otse
11 December, 2012
Go Mmamalome
Ke monana mo motseng wa Otse mo Central District. Ke monana yo o itirelang mekgabisa, ke dira mekgabisa e e farologanyeng jaaka go tsenya mebu e e mebala mo mabotleleng a mmu, dithunya le bojang ke dirisa pente. Jaanong ke eletsa go ipapatsa mo Kutlwano. Ga ke itse gore ke ka dira jang, kgang yame ke gore ke batla go rekisa kgwebo ya mekgabisa mo Botswana ka bophara. Ke ka itumela thata fa kopo yame e ka atlega.
Ke le Orethusitse Otse
Setlogolo
Go ipapatsa mo bukaneng ya Kutlwano go tlhokana le madi a mantsi, gape go batla o setse okgonagodiradilotseorengoadidiradi le dintsi, bontsi jo bo ka kgonang go re bareki botlhe ka lefatshe go nne motlhofo mo go bone go di reka. Se o ka se dirang mo nakong eno, o ka ya mo go nngwe ya diofisi tsa lephata Dikitsiso (Information Services), o buisanye le mokwala dikgang foo, a thlotlhomise gore a o ka tswa ka kgang. E seng jalo o tla a tshwanelwa ke go bona ba ba dirang makwalo a ipapatso (adverts) go re ba tle ba go direle ipapatso e o ka e tsenyang mo bukaneng ya Kutlwano, mme jaaka ke tlhalositse o tla a tshwanelwa ke go e duelela. Mo godimo ga moo, o ka bona ba lephata la banana go ka go thusa ka ditsetlana tsa go ipapatsa.









                    
                    
