Motlhokaina

11 December, 2012

Ga ke bone boroko

Mmamalome


Sa ntlha ke madume go wena Mmamalome, ke kwala jaana ka tshepo ya gore o tlaa ntswa thuso le kgakololo ka o le motsadi wame. Kana e bile Motswana a re ngwana o sa leleng...
Ke mosetsana wa dingwaga tse 20, ke dira ngwaga wa ntlha kwa University. E ne yare nako nngwe kwa sekolong ka kgatlhiwa ke mosimanyana mongwe wa dingwaga tse 22, a ise
a bue sepe le nna. Ke ne ka kgalemela pelo yame ka ke itse e se Setswana sentle. E rile morago e bile ke lebetse rre yoo, a bo a nkopa lerato.

 Mme ke ne ka gana kopo ya gagwe ka lebaka le le leele mme ke sa itse gore ke ganela eng mme gone ke ikutlwa fela gore ke a mo rata. O ne a diragatsa gore tsatsi le letsatsi o bua le nna sengwenyana fela. Malatsi a, o dule fela mo go nna ka ke mo utlwisitse botlhoko. Selo se se nja mo pelong e bile se ama dithuto tsame. Fa ke mmona e kare ke ka lela le fa a ka fitlhela ke ne
ke tlotla ke tlelwa ke tidimalo le mo batho ba tla a ntemogang.
Fa a ntumedisa ke buela ka lentswe le le ko tlase tota e se gore ke a itira ke ipotsa gore o boelela leng kopo ya gagwe. Tota nna ngwana yo le wa batho ke a mo rata. Fa ke mo gakologelwa ke tshega ke le nosi. O tlhalositse gape fa a sena mosetsana mme ga ke itse gore ke dire jang gore pelo ya gagwe e boele mo go nna. Thusa foo Mmamalome kana ke wena fela motsadi yo o ka se kgwathiseng ngwana a bua dikgang tsa go tshwana le tse.

Setlogolo

Kgang ya gago ke a e utlwa. Kana pelo fa e ratile selo go thata gore motho o ka busa mogopolo. Ke kgwetlho e motho mongwe le mongwe a lebaganang le yone mo botshelong. Mo Setswaneng go thata gore ngwana wa mosetsana a ka ipuelela le mosimane. Ke tsaya gore mme fela go na le kafa o ka dirang kateng. `Gantsinyana ditsala le tsone di ka thusa. O ka bua le tsala nngwe ya gagwe go mmotsa fa a santse a go rata, a mo lebisa mabakaagorelewenaoamoratammefelaoneokasekewa mo dumela fela o ise o ikakanye. Kana go tsena mo leratong le kgwetlho e le ene a tshwanetse a e tlhaloganya ka ebile malatsi ano baratani ba lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi.

Se se batla batho ba digetse makgwafo ka gore go tabogela go tsena mo leratong o ise o ikakanye go ka go tsenya mo mathateng
fa gongwe. Mme fela nna pelo telele gore gongwe o tla a busa mogopolo, fa go pala itse gore e ne e se wa gago. Gongwe go mo gana ga gago go ne go go bolelela sengwe. Se sa feleng se a tlhola, kajalokutlobotlhokoeolengmogoyoneetlaafelammeotlaa itumela gape. Ga se ene wa ntlha ebile ga se ene wa bofelo. Nnete ga e bolaye.

 

 

 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%