Basetsana Gaokgethelwe, Letlhakane
12 December, 2012
POTSO - Ke batla go simolola kgwebo
Ke mme wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi. Go nale dikompone tse di farologaneng tse ba ba mo go tsone ba tsamayang ba kopa batho gore ba di tsenelele. Bontsi jwa tsone go ntshiwa madi gore motho a di tsenelele, mme o ka fitlhela di rekisa dilo tse di farologaneng di tshwana le ditlolo, dipilisi, le dijo jalo jalo. Ba ba mo go tsone ba di bua bontle thata gore di ka thusa motho go dira madi mme a tokafatse botshelo jwa gagwe. Ke batla go tlhaloganya gore a ka boammaaruri go nale mangwe maduo a motho a ka a robang mo dikomponeng tse kana ke maano a tsone a go tseela batho madi?
KARABO - Setlogolo, Go a itumedisa go bo o tlhophile go seke o wela wela sepe fela le fa o sa se tlhaloganye. Ke go gwetlha go batlisisa ka botlalo ka dikompone tse o buang ka tsone tse pele o ka nna leloko la tsone. Manweenwee a loga metlhale e mesha ya go tsietsa batho tsatsi le letsatsi mme go botlhokwa gore pele o tsaya kgato o bo o ikgotsofaditse gore ga o ye go gorometsa madi a gago mo motlhobodikeng. Mme fela bontsi jwa tsone ke metshelo e e berekang ka khupelekhupele (Pyramid schemes). O ka ikgolaganya gape le lephata la baji bareki go go fa dikgakololo tse di nonneng mabapi le kgang ya gago.









                    
                    
