Tebogo Kesenogile, Francistown

12 December, 2012

POTSO - Nkuku o sotla ka rona

Ke mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bosupa, ke nale bonnake ba le babedi. Ke dira Form 4, fa bonnake ba le mo go Standard 4 le 7. Mmamalome ke kwala ka pelo e e botlhoko e e rothang madi. Re tlhokafaletswe ke mmaarona ka 2010, mme morago ga phitlho nkuku a re tsaya go ya go nna le rona kwa lapeng la gagwe. O ne a re kwadisa kwa go mmaboipelego mme ra nna re thusiwa ka dijo kgwedi le kgwedi. Mathata ke gore nkuku ga a re tlhokomele ka tsela epe fela, a re mmaboipelego ke ene a re direle sengwe le sengwe. Ga a re fe lerato le re le solofetseng mo go ene ebile o nna a re kgobotletsa ka dipuo tsa lesotlo. Le mo lapeng go kgaogantswe gabedi go nale ka fa re nnang teng le kwa ene a nnang teng. Re nale leiso la rona kwa re ikapeelang teng, fa ene a apeela go sele. Le fa mongwe wa rona a lwala nkuku ga a na sepe. Ke ipotsa gore re dire eng gore nkuku a re tseye sentle, a re tseye fela jaaka motho a ka tsaya bana ba ngwana wa gagwe. Fa e le gore nkuku o ne a nale dikgang le mme rona o re sotlelang? Re dire jang Mmamalome? Re tshabele kae?

KARABO - Setlogolo, Kgang ya gago e botlhoko e le ruri setlogolo. Ke tshwanelo ya ngwana mongwe le mongwe go tshela sentle a sa sotlakakiwe. Mme a e re ke ise ke go arabe setlogolo ke go akgolele bopelokgale jwa gago jwa go batla dikgakololo; motlapele a re ngwana yo o sa leleng o swela tharing. Seemo se o tlhalositseng se diphatsa ka se ka le itsa go dira sentle mo dithutong tsa lona. Ga ke eletse gore le tswelele le tshelela mo go sone. O nkutlwe sentle, ga ke re le phuthe mesobana le inee naga. Se se botlhokwa se o ka se dirang ke go ikgolaganya le ofisi ya boipelego go tsibosa mmaboipelego wa lona ka mangomo a le tshelelang mo go one. Ka a rwele boikarabelo jwa go bona gore le tshela sentle morago ga phularo ya motsadi wa lona, go nale go le gontsi mo a ka go dirang go bona gore seemo se a fetoga; mme ebile o tlamega go se tsibogela ka bofefo gore le lona fela jaaka bana ba bangwe le tshele sentle.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%