Janet Mosebodi, Gaborone

12 December, 2012

POTSO - A CEDA  e dira tiro ya yone sentle?

Go nale sengwe se se ntshwenyang ka lekalana la CEDA. Ke nna ke bona mo dipampiring tsa dikgang CEDA  e gapela batho ditsabone. Ga gona lekalana lepe le lengwe le le gapelang batho ka bokete jaaka CEDA. Se ke batlang go se tlhaloganya ke gore a CEDA e dira tiro ya yone sentle ka botlalo go tlhalosetsa batho ka ditsamaiso tsa yone pele e ba fa madi le gore a e sekaseka mo go tseneletseng go bona gore a dikgwebo ke tse di ka tswang maduo.

KARABO

 

Lekalana lengwe le lengwe le nale ditsamaiso tse e di tlhomilweng tse le di salang morago go ntsha tirelo epe e le  efang. Ke dumela gore go ntse fela jalo ka lekalana la CEDA. Ka kgang ya go gapela batho ga lekalana le ke go gakolola go ikopanya le bone ba CEDA gore ba go tlhalosetse ka botlalo gore ditsamaiso tsa bone di ntse jang. Ntleng ga go tsaya tlhaloso e e maleba kwa go bone go tla nna thata gore o tlhaloganye gore seemo se se ntse ka fa o se bonang ka teng ka mabaka afe.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%