Neo, Francistown

19 December, 2012

 

POTSO: Ke tshaba go abelwa madi a mmele

Mma malome ke mme wa dingwaga tse di masome mararo wa kwa Kgaphamadi, Francistown. Ke itsholofetse, ga ke na mogare mme ba bongaka ba re ke tlhaelelwa ke madi a mmele mme ke na le kgotlhang e kgolo ya dikakanyo go tsaya tshwetso ya gore ke dire jang. Mo nakong e, ke fa gare ga botshelo le loso. Mma malome ke kopa kgakololo go wena gore a madi a a babalesegile le gore fa e le gore madi a ke tla a bong ke a abelwa a abilwe ke motho yo o nang le mogare wa HIV mme o ise o itshupe a se se ka se beye botshelo jwame le lesea lwame mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare.

KARABO: Setlogolo, botshelo ke selo se se tshwanetseng go somarelwa thata. Fa o tshameka ka jone bo ka go latlhegela. Tlhamalalela fela kwa sepateleng sa Francistown kana sefe fela se se gaufi o ye go itseela ka tsebe ka madi a a ajwang. Fela o se tshoge sepe setlogolo, ba bongaka ba berekana le kalafi le pabalesego ya botsogo jwa batho, ka jalo ga ba kake ba go fa madi a a nang le mogare. Go go tlhamalaletsa kgang madi a tsewa mo bathong ba go tlhomamisitsweng gore ga ba na mogare kana bokoa bope fela.  O itlhaganele ga twe madi a a teng aa tlhaela.  O seka wa lebala go ya go itseela ka tsebe kwa sepateleng. ENDS

 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%