Pastor Thomas Lebitso Kock, Tsabong
19 December, 2012
POTSO: Kutlo botlhoko mahutsana
Ke kwala jaana ka pelo e e botlhoko, ke tshela ka dikakanyo tse di duleng mo tseleng, gonne go lobaka ke ngongorega ka tiragalo e e ntiragaletseng mo kgolegelong ya Tshabong. Mmamalome e rile kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi a le matlhano (5) ka ketekiwa ke borre ba ba direla puso ba le babedi fa pele ga moeteledipele wa kgolegelo ya Tshabong. Mmamalome ke amegile thata. Tiro e banna ba e dirileng mo go nna ga e njese diwelang. Ke tshwenngwa ke tsebe e e nnang e dutla bosigo e le botlhoko jo bo tlhabang mo pelong le tlhogo e ntsentse fa le fa le moeteledipele wa kgolegelo o itse ka go sa tsoga ga me fela thata.
Mmamalome ke ipotsa gore ditshwanelo tsa me di tshwanetse go gatakiwa fela jaana le gone fa pele ga magolegwa a mangwe. Mme e rile kgwedi ya Tlhakole radikgolegelo Senior ACP Mokento a na le ngaka go tswa Gaborone Dr Seleke, ba etela kgolegelo ya Tshabong ba tla go tlhola magolegwa gore ba tsogile jang. Mme ke ne ka bolelela Senior ACP Mokento gore ke ketekilwe ke ba direla puso ba Tshabong Prison. Mme Senior ACP Mokento a botsa officer in charge ya kgolegelo gore a kgang e o a e itse mme a mmolelela gore o a e itse. Rre Mokento a bua le ene gore a tlhotlhomisa kgang e, fa a fetsa a ise phetolo. Jaanong Mmamalome ga go nko e e tswang lemina, go rile tshoo, go fitlhela ke ikgogela kwa go wena.
Mmamalome ke kopa go botsa gore a puso e letleletswe go keteka magolegwa, ka gore se se ntiragaletseng ke swabile nko go feta molomo ka motlholo o ke o boneng mo kgolegelong e bile malatsi ano ke nna ka go boifa. Ga ke tshele sentle mo kgolegelong fa ke bona banna ba ke a gadikega, ke fufula, ke e sha mo pelo ya me e nnang botlhoko. Ka kopo le ka lorato le ka boammaaruri ke kopa gore lekwalo le lame le gatisiwe mo Kutlwano gore masika a me le batsadi ba ba rategang ba me, le setshaba sotlhe ka bophara ba bone gore re tshedisiwa jang mo kgolegelong. Mmamalome kana ke beleditswe gore ke ne ke sa buisiwa sentle ke rre wa ofisara mme fa ke mo lebisa lebaka la gore ga mpuise sentle ka bo ke tsositse diletseng. Ke kopa go itse gore ke dire jang.
KARABO: Kgang ya gago ke a e utlwa. Ka bokhutshwane, ga se tshwanelo gore legolegwa le ka ketekiwa, e bile ke molato gore modirelapuso a dire jalo. Ka fa o tlhalosang ka teng bagolwane ba dikgolegelo go supa ba itse kgang ya gago, e bile go supa fa e diragetse bosheng fela jaana. Sengwe se se ntsietsang ke gore ga o tlhalose gore fa o bona go se nko epe e e tswang lemina o ne wa tsaya kgato efe go latedisa kgang ya gago le bagolwane ba kgolegelo gore ba go fe karabo. Ke tsaya gore o na le tshwanelo ya gore o ikopanye le bone gore ba go tlhalosetse gore kgang ya gago e tsamaya fa kae. Mme fela itse gore ditlhotlhomiso ke selo se se tsayang lobaka ka e bile tiragalo e, e diragetse bosheng fela jaana. Ke kopa gore o bone mogolwane wa kgolegelo a go tlhalosetse. Fa go pala o na le tshwanelo ya go fetisetsa kgang ya gago kwa go ba bagolwane. ENDS










