Anonymous, Gaborone
19 December, 2012
POTSO: O itatola mpa
Mmamalome ke mosetsana wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe. Ke ne ke ratana le rre mongwe. Mathata a simologile fa ke mo itsese fa ke itsholofetse. O ne a mpolelela gore ene ga a di tsene e bile ke se ka ka batla go mo thubela lelwapa le e leng gore ga a ise a le umake fa re le mmogo.O ne a ntsha seipato sa gore ga a dumele fa ngwana e le wa gagwe. Ke ne ka mo kopa gore re ye go dira ditekeletso tsa DNA go rurifatsa se, a le supa le le fa e bile a mpolelela gore ke dire se ke bonang se ntshwanetse le dikgato ke di tsee ke tswe mo go ene! Ga ke kgone mmamalome ke tsena sekole madi a sekole a manyenyane a felela otlhe mo ngwaneng. Ke dire jang mmamalome a ke mo ise kgotla tshekelong kgotsa ke mo tlogele fela?
KARABO: Kgang ya gago e khutshwane. Bona ba molao gore ba go thuse. Jaaka o buile, o ka isa kgang ya gago fa pele ga kgotlatshekelo ba go thusa. DNA test ke yone fela e ka rurifatsang kgang ya gore ngwana ke wa gagwe kgotsa nnyaa, mme kgotlatshekelo e kgona go laola gore go dirwe tshekatsheko eo. ENDS










