Thuto, Palapye

21 December, 2012

 

Ke dinalanyana

Mmamalome

Ke mosimane wa dingwaga tse 25 mme bothata jwame ke go nna dinalanyana. Ke godile ke le ngwana fela yo o sa senyeng mme mo dingwageng ka tlelwa ke mowa o, wa go utswa. Ntswa ke lemoga gore ke dira selo se se ka ntsenyang mo kgolegelong ke palelwa ke go tlogela. Ke setse ke kile ka kopa kgololo mo dikerekeng mme ke sa ntse ke utswa, se se botlhoko ke gore ga ke tlhoke sepe mme e bile fa ke sena go utswa ke tlala mowa wa boikotlhao. Ke dire jang Mmamalome?

 

Setlogolo

Go molemo jang gore o bo o lemoga fa mokgwa wa go nna jalo o sa go siamela. Ka jalo dirisa temogo eo gore o bone ba boitseanape mo go tsa tshidilo tlhaloganyo le maikutlo go go thusa jaaka ba boipelego. Ikopanye le ba boipelego kwa khanseleng ya Palapye. Mme gape thapelo le yone e ka go thusa fela thata. O ka ikopanya le moruti yo o gaufi le wena go go thusa.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%