Phenyo, Serowe
21 December, 2012
Bonya ke jone sebe
Mmamalome
Ke kwala jaana ke itlhobog ile, ka ke sa kgone go dira se batho ba bang we ba ka se dirang, ke mathata a bonya. Ke motho yo ke tsayang gore ke tshwana le mongwe le mongwe mme ke lemogile fa ke le pharologano le ba bangwe. Fa ke dira tiro le ba bangwe, ba fetsa pele game, selo se se dira gore batho ba simolole go nkomanya kana ba simolola go nna le letlhoo mo go nna.
Setlogolo
Go na le batho ba ba bonya mo botshelong. Ga se sebe sepe hela gore o bo o le bonya. Ke ka fa Modimo a go dirileng ka teng mme o tshwanetse wa amogela seemo seo. Sa gago fela ke gore o tshwanetse go nna le tumelo, maikemisetso le kgwetlho ya gore nako le nako o leke ka bojotlhe go itepatepanya le ba bangwe fa lo tshwere tiro. Ke gore o amogele gore o bonya mme ebile e nne kgwetlho mo go wena gore bonnye jo o bo dirileng tsatsi jeno oa bo oketsa tsatsi le letsatsi. O ipeele seelo sa gore kamoso le malatsi a a latelang ke batla gore ke bo ke dirile go le kana.










