Lebo, Tlokweng
21 December, 2012
Ke nna ka tlhobaelo
Mmamalome
Ke mosetsana wa dingwaga tse 20 mme ke nna le mmemogolo ka mme a tlhokafetse. Ke tshwenngwa ke gore m memogolo o gana ke ya kwa ga bo ntate ntswa mme a ne a nyetswe. Ke lekile go mo tlhalosetsa gore ga ke ka ke ka tsamaela ruri mme o gana a ba a thikitha tlhogo. Go na le dingwe tse mme a neng a di ntlogeletse mme ga a bue sepe ka tsone ke seo ke boneng go le botoka gore ke ye kwa ga bo ntate ba ntlhalosetse gore mme o ntlogeletse eng. Ke bona gore go na le sengwe se a se bipang ka e bile o nna a mpolelela gore fa ke ka ya kwa ga bo ntate ke seka ka tlhola ke boela kwa ga gag we. Ke dire jang ka ke rata mmemogolo e bile ke sa batle go kgaogana nae?
Setlogolo
Go nna pelotelele ke sengwe se se molemo mo botshelong. O sego gore o bo o na le mmemogolo wa gago mme hela tlhaloganya pharologanyo ya dingwaga tsa gago le tsa gagwe. Ka fa bobedi jwa lona bo tlhaloganyang dilo ka t eng goa farologana. Ka jalo se fele pelo go mo tlhalosetsa maikutlo a gago le gore ke eng se se go gwetlhang gore o dire jalo. Kopa thuso mo go ba losika le bone ba boipelego mo Tlokweng go go thusa kgang e.










