Onkarabile Rob
11 January, 2013
Ga re sa tlhole re tlwana jaaka pele
Mmamalome ke kwala jaana ke tshwenyegile mo moweng. Matshwenyego ame a mo go tlhokeng tshwaragano ga lesika la rona go golelang pele ka teng. Go tswa mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng, re ntse re sa utlwane fela sentle. Go ne go nna fela go nale dikgogakgogano tse di sa feleng. Ka nako ya teng re ne re kopanngwa ke ditiro di tshwana manyalo le dintsho fela; mme gompieno le fa go nale ditiro tsa go nna jaana batho ga ba tle jaaka pele. Ba ba tlang ba tla fela gore gotwe ba ne ba le teng ba sa tla thusa ka tsela epe. Ke ipotsa gore ke ka dira jang go kopanya lesika le, ka ke eletsa go bona go nale tshwaragano le lerato tse di renang mo masikeng a mangwe. Lefufa le le tletseng mo lesikeng la rona le setse le ntlhabisa ditlhong.
Setlogolo, lesika lengwe le lengwe le nale dikgang tsa lone; mme le fa go ntse jalo go botlhokwa gore go nne le neelano. Mowa o wa neelano ke one o o thusang bamasika go kgona go dira ka katlego ditiro tse di tshwanang le tse o di umakileng. Mme go araba selelo sa gago sa gore o ka kopanya bagaeno jang, ke go rotloetsa go ipha nako mme o bue ka bongwe ka bongwe le bontsi jwa masika a gago jo o ka bo kgonang go utlwa mafatlha a bone a kgang e. Maikaelelo a se e tla bo e le go go lemotsha gore ke bomang ba ba tshwentsweng ke seemo se jaaka wena, mme morago ga go lemoga batho ba, wena le bone le ithulaganye le tle ka maano a gore go ka dirwa eng go fetola seemo se. Go dira le le setlhopha, le fa se ka tswa se felela mo seatleng go ka le fa sebaka se se botoka sa go tlola molapo o, go nale fa o ka ithoma kgang o le nosi jaaka go supega o eletsa go dira mo lekwalong la gago.









                    
                    
