Motlhokaina

06 February, 2013

BOGADI BO NKITSA GO NYALA

Mmamalome,

Ke rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabobedi kemo loratong le mme wa dingwaga tsedi masome a mabedi le borataro. Re nale dingwaga tse tharo rele mo loratong mme re tsere tshwetso ya gore re tsene mo lenyalong. Mathata ame ke gore batsadi ba mosetsana ba lopa tuelo ee ko godimo ya bogadi. Ke batla go nyala mme yo mme gake kake ka kgona go duela tuelo eke e lopilweng ka gore ga kena batsadi baba ka nthusang, ke sale ke tlogetswe ke batsadi kele mmotlana.  Ke rata mme yo fela thata, o lekile go bua le batsadi ba gagwe gore ba fokotse ditlhwatlhwa tsa bogadi mme go retetse. Ke kopa thuso mogo wena mmamalome gore ke dire jang ka gore ke batla go nyala mme yoo ka renale dilo tsere batlang godi dira mmogo rele mo lenyalong.

Setlogolo,

Kgang ya gago kea e utlwa setlogolo mme tota e thata. Kgang ya bogadi ke ya Setswana mme kafa molaong wa lenyalo bogadi gabo kganele ope go ka nyala. O kgona go nyala mosadi wa gago o ntse osa ntsha bogadi, ka gore o tlhalosa fa le nale dilo dingwe tse le batlang godi dira morago ga lenyalo la lona. Bua le batsadi le ba tlhalosetse maikaelelo a lona, leba kope gore le batla go nyalana mme otlaa ntsha magadi morago. Ba lemotshe gore gao kake wa kgona go ntsha tuelo ya bogadi gompieno ka mabaka a gore boa tura mme otlaa duela fao setse o ipaakantse o kgobokantse go lekane.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%