Motlhokaina 3
06 February, 2013
O GANA RE KGAOGANA
Mmamalome,
Ke mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi. Kena le ngwaga kele mo leratong le rre wa dingwaga tsedi masome a mabedi le bobedi. Mo kgweding tse pedi tsedi fitileng, rene ra tlhoka kutlwisisanyo. Ke neka tsaya tshwetso ya gore re kgaogane le rre yo mme ka mmolelela. One a seka a rata mafoko a thata mme a mpolelela faa sa batle re kgaogana. Gagosa tlhola gole monate mo kgolaganong yame le rre yo. Nako tsotlhe fake bua kgang ya gore re kgaogane o mpolelela gore gaa batle go utlwa ke bua jalo gape ebile fanka tswelela ka mafoko ao otlaa dira sengwe sese maswe. Ke tshaba go bolelela batsadi ka gore ko lwapeng ba kgatlhanong le gore ke setse ke simolotse marato. Ke dire jang mmamalome ka gore kenna kesa itumela ebile gake tshele sentle, ke tshela ka letshogo.
Setlogolo,
Selo sa ntlha seokase dirang kego bolelela bagolo. Ba ka tswa bale kgatlhanong le gore o mo maratong mme fela ga gona motsadi ope yoo ka eletsang gore ngwana wa gagwe a tshele asa itumela. Rre yoo jaaka ore ogo tshosetsa ka mafoko mangwe, gao itse gore otlaa felela a dirile eng sese maswe jaaka a bua. Ikopanye mapodiseng fa ele gore o tshaba batsadi, ba sepodise ke bone batlaa go isang ko bagolong gore mosimane a botswe gore ka goreng asa batle le kgaogana. Oka bona gape ba ofisi ya mmaboipelego ba gofe dikgakololo, ba bue le wena le mosimane lele mmogo, le bone baka go thusa kago go kopanya le batsadi.










