Re kgaoganngwa ke setsha
06 March, 2013
Mmamalome,
Ke rre wa dingwaga tse masome a mararo le bosupa, ke na le bonnake ba le babedi ba basetsana. Re sa le re tlogetswe ke batsadi ba rona ngwaga tse pedi tse di fetileng. Batsadi ba rona ba re tlogetse le motse, jaanong nnake o simolotse go lwela setsha sa batsadi ba rona, a re ke mo sutele ke ye go ikagela go sele ka a le monnye o batla go se fetolela mo leineng la gagwe. Ke lekile go supegetsa nnake gore se a se dirang ga se sone ka gore batsadi ba rona ba re tlogetse re le babedi fela gago tlhokafale gore re kgaogane. Mathata ke gore ga a rate mme yo ke tshelang nae. Ke kopa thuso mo go wena mmamalome gore ke dire jang gore ke nne le kagiso le kutlwisisanyo le nnake, ebile a emise mokgwa wa go batla go ikgagapelela motse wa batsadi ba rona. Nna ga ke na maikaelelo a go huduga mo ntlong ya batsadi bame ka gore ga go na ko ke yang teng ebile ga go kgoreletse sepe gore ke nne le nnake mo setsheng sa batsadi ba rona.
Setlogolo,
Selo sa ntlha ke gore monnao ga a na mabaka ape aa utlwalang go go koba mo lwapeng. Fa le le bana le tlogetswe ke batsadi le na le tshwanelo ee lekanang mo setsheng ka na ntlo ya batsadi ba lona. Bitsa batsadi ba le tshereganye, ba tlhalosetse monnao gore lotlhe le na le tshwanelo ya go nna mo lwapeng la batsadi ba lona. Selo se setona ke go agisanya le le bana ba motho le ithute go tshela mmogo go sena dintwa le dikomano. Utlwa gore mathata a ga monnao le mme yoo tshelang nae ke eng, mme o ba kopanye le rarabolole kgang. Go dira jalo go tlaa thusa gore lotlhe, wena le kgaitsadio le mme wa gago le nne sentle mmogo.










