A re ga a batle ngwanake
06 March, 2013
Mmamalome,
Ke mme wa dingwaga tse masome a mararo. Ke na le ngwaga tse pedi ke le mo loratong le rre, mme re dumalane go nyalana. Mathata ke gore rre yoo o mphithetse ka ngwana wa mosetsana wa dingwaga tse tlhano. Rre yo o batla go nnyala, mme a re gaa batle go ntsaya le ngwana. Ke na le mathata a gore ga ke itse gore a ke tlogele lenyalo ke nne le ngwanake kana ke mo tlogele le batsadi bame kwa lwapeng ke tsene mo lenyalong. Ke rata rre yo fela thata le ene oa nthata, mathata ga re dumalane ka ngwana. Ga ke kake ka kgona go tshela ngwanake a le kgakala le nna. Nthusa mmamalome gore ke dire jang gore rre yo, a amogele ngwanake.
Setlogolo,
Setlogolo, kgang ya gago ke a e utlwa. Mme e thata ka gore motho ga a patelesege go go nyala ka ngwana e se wa gagwe. Batho ba ka bobedi ba lebega ba le mosola ka go lekana mo botshelong jwa gago mme o tshwanetse go lebela kwa pele. Sa ntlha ke gore, a ngwana wa gago o ya go tshela sentle a sa nne le wena a itse gore o mo tlogetse o ya lenyalong? Sa bobedi ke gore a mme rre yo, o mo rata mo o ka tlogelang ngwana wa gago o ya kwa go ene? A mabaka a gagwe a gore ga a batle ngwana wa gago aa utlwala? Go ya ka wena, fa rre yo a gana go tsaya ngwana a go a tlhokafala gore o tsene mo lenyalong le ene o tlogele ngwana wa gago yo monnye jalo yoo santseng a tlhoka tlhokomelo ya motsadi wa gagwe?









                    
                    
