Ba re ba batla dilwana
06 March, 2013
Mmamalome,
Ke mme wa dingwaga tse masome a mararo le bone, ke na le bana ba le bararo. Ke ne ke nyetswe mme ka tlhokafalelwa ke monna. Morago ga leso, mmaagwe le bokgaitsadie rre yo ke neng ke tshela nae, ba ne ba simolola go ntshwenya ba re ba batla dilwana tsa gagwe. Ke lekile go bua le ba lelwapa lame gore ba nthuse mme go tshwana fela ka gore bantse ba tsweletse ba re ba batla dilwana le madi aa tlogetseng. Ke kopa thuso mo go wena mmamalome ka ga ke itse gore ke dire jang gore ba kgone go lemoga gore ke ne ke nyetswe ka fa molaong le gore se ba se dirang ga se sone.
Setlogolo,
Selo sa ntlha fela ga ke itse gore a one o nyetswe ka tlhakanelo dithoto. Fa e le gore o ne o le mo lenyalong la tlhakanelo dithoto, o na le tshwanelo ya go tsaya boswa jwa monna wa gago. O ka ya kwa molaong kwa kgotla tshekelong wa ya go ikuela teng. Ke gone kwa ba ka kgonang go le tshereganya teng. Fa e le gore rre wa gago one a na le mokwalo wa kabo ya dithoto (will), ke yone ee ka kgonang go supa go re le tshwanetse go kgaogana boswa jwa gagwe jang. Rre yo o mo lenyalong, ga a patelesege go tlhokomela masika a gagwe, o ka dira jalo ene ka go rata ga gagwe. Wena o le mme yoo nyetsweng ka fa molaong o na le tshwanelo ya go tsaya boswa jwa monna wa gago ka ebile le na le bana mmogo.









                    
                    
