Thuto yame ga e ntswele mosola

06 March, 2013

 

Mmamalome,

 Ke mosetsana wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano. Ke neka bona kotsi ya koloi ngwaga tse pedi tse di fetileng mme ka nna le bogole mo maotong otlhe. Ke tsene kwa sekolong se se golwane mme ka fetsa dithuto tsame. Go tswa foo, ke ne ka nna ke tshwenngwa ke maoto a pala go fola sentle. Ke na le ngwaga tse pedi ke ntse ke nna mo lwapeng ka gore ke tshaba le go batla tiro ka maoto ame a nna a tshwenya. Ke tsamaya ka kolotsana ya balwetse. Ke batla go ipona ke bereka mmamalome ka gore jaanong thuto yame ga e  nthuse ka sepe. Ke ile kokelong gole makgetho a le mantsi mme ba re maoto ame a padile go fola. Bogole jo bo nkitsa go batla tiro, jaanong ke eme ka setlankana fela ga se ntswele molemo ope. Ke kopa thuso go wena mmamlome gore nka bona thuso kae, gore kgone go batla tiro ke berekise thuto yame.

 

Setlogolo,

Setlogolo, mathata a gago ke a utlwa mme tota dikgang tsa bongaka di thata. O ka kopa thuso mo go mmaboipelego wa kgaolo ya gago o mo lekodise mathata a gago fa go tlhokafala madi a kgone a go thuse o bone dithuso tse di maleba mabapi le maoto a gago. O tshwanetse go sala ka bogole fela mme fa o bona maoto a santse a le botlhoko, go supa gore ga o ise o fole sentle ebile ga oa itekanela go ka bereka. Dingwaga di a tsamaya, o tshwanetse go itirela sengwe mo botshelong. Mmaboipelego o tlaa go thusa mme fa o kgonne go bona dingaka tse di maleba di tlaa kgona go go thusa mme o tlaa kgona go batla tiro morago ga seo, o kgone go itshetsa le wena jaaka motho mongwe le mongwe.

 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%