GA A MPATLE MO LAPENG
04 April, 2013
MMAMALOME
Ke mosimane wa dingwaga tse lesome le bosupa, ke dira mophato wa botlhano kwa sekoleng se segolwane sa Swaneng. Ga ke tshele sentle kwa lwapeng ka rre yo o nyetseng mme a sa mpatle ka go bo ke se ngwana wa gagwe. O bogale mo go nna, mo ke kgonang go omanyediwa go tshuba lebone fa ke re ke a bala a re ke tshamekisa motlakase. Se, se ama maduo ame kwa sekoleng. Ke tshaba go bua le mama ka le ene o didimetse fela. Ga ke sa itse gore ke ka tshabela kae.
Bonnie
Serowe
SETLOGOLO
Kgang ya gago e utwlisa botlhoko. Ikopanye le mongwe wa lesika kana morutabana wa tsa bokaedi kwa sekoleng sa gago mme o ba rolele kgang ya gago nako e sale teng ba tle ba go thuse go bona tharabololo ditlhatlhobo di ise di atamele.









                    
                    
