GA A TLHOKOMELE NGWANA
04 April, 2013
MMAMALOME
Rraagwe ngwanake ga a nthuse go tlhokomela ngwana. E setse e le ngwaga mme ga a itse gore a ngwana o tshwanetse go ja, go apara le go tlhapa. Nna ke tsena sekole jaanong madinyana a itshetso a ke a bonang kwa sekoleng ga a a lekana go tlhokomela ngwana. Ke tshabile go ya kwa ga molaodi ka lebaka la gore ke na le tumelo ya gore o ka nna a mpolaela ngwana fa nka mo pateletsa go mo tlhokomela. Ke kopa thuso ya gago.
By email
SETLOGOLO
Ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tlhokomelwa ke batsadi ba gagwe ka bobedi. O tshwanetse go ema ka dinao go bona gore ngwana wa gago o bona tsotlhe tse di mo tshwanetseng. Ikopanye le rraagwe ngwana mme o mo tlhalosetse gore o tlhoka thuso ya gagwe go godisa ngwana wa lona. Fa a tswelela a itlhokomolosa maikarabelo a gagwe o ikopanye le ba ga molaodi gore ba go thuse kgang e.









                    
                    
