KE KA ITSE JANG GORE O A NTHATA!
04 April, 2013
MMAMALOME
Ke kwala jaana ka pelo e e rothang kgodu e khibidu ka ke nna ke tshamekisiwa ke bakapelo. Ke kgarejwana ya dingwaga tse masome mararo mme ke na le bana ba le babedi. Rraagwe ngwanake wa ntlha o ne a ntlogela ke itsholofetse morago ga gore re nne mmogo ngwaga tse tlhano. O ne a simolola go fetola boitshwaro jwa gagwe, a sa tlhole a nteletsa jaaka pele le fa e le go baya lonao kwa ga me. Rraagwe ngwanake wa bobedi o ne a ntlogela ngogola mme a seka a mpha mabaka ape. Mo sebakeng se, ke tlelwa ke dikakanyo tsa go ipolaya ka borre ba ka bobedi ba ntirisitse ebile ba ntietse nako. Ke ipotsa gore ke tlaa tlhola ke bonwa e mang ka bana ba babedi. Ke setse ke na le kilo mo bathong ba borre ebile ke ipotsa gore fa mongwe a ka nna le keletso ya go tshedisanya le nna ke tlaa itse jang gore a o a nthata?
Sarah, Mathangwane
SETLOGOLO,
Amogela gore banna bao ka bobedi ke batho ba ba se nang boikarabelo. Itebaganye le go godisa bana ba gago. Maitshwaro a banna bao ga se sesupo sa gore banna botlhe ba ntse jalo, jaanong ga go tlhokafale gore o ile sengwe le sengwe se se tsweleng borokwe. Nako nngwe o tlaa kopana le monna yo o tlaa go ratang ga mmogo le bana ba gago.









                    
                    
