KE TSHWENNGWA KE LETIMONE LA BOJALWA

04 April, 2013

 

MMAMALOME

Ke rre wa dingwaga tse masome mabedi le botlhano wa Masunga. Ke gone ke neng ke sa tswa go thapiwa. Mathata a me ke gore ke nwa bojalwa thata gotlhe le fa gare ga beke tota jaanong sebe sa phiri ke gore bo ama boleng jwa maduo ame. Ke nna ke otsela ke sa kgone go wetsa tiro ka nako e e beilweng, jaanong ke tshogetse gore le bagolwane bame ba tla a felela ba lemogile se. Ke kopa kgakololo gore ke ka dira jang gore ke fokotse go nwa ka go tlogela go le thata.

Anonymous, Gaborone

 

SETLOGOLO,

Ke a go akgola mo go boneng tiro ga gago. Ke go akgolela gore o itemogile gore o na le mathata mme ebile o tshwenyegile. Bontsi jwa banwi ga ba lemoge fa ba na le mathata a go iphetisa dino-tagi. Jaanong ka ke foo o itemogile ebile o itse bodiphatsa jwa se o se dirang, tsaya kgato. Malatsi ano lefatshe le kwakwaletse, fa e ka go tswa ka phatlha tsa menwana tiro eo o ka nna wa seka wa tlhola o bona e nngwe. Akofa o ikopanye le bagakolodi (counselers) ba tlaa go thusa go bona ba ba itseng go kgwisa motho bojalwa. 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%