Onneile Gaborone

31 May, 2013

MMAMALOME

Ke mosetsana wa dingwaga di le lesome le bosupa ke dikile ke dira mophato wa botlhano. Ke nna mo Gaborone le mama fa daddy ene a direla kwa moepong wa Orapa. Fela fa daddy a se yo, mama ga a nne mo lwapeng o tsaya nako e ntsi kwa ditsaleng tsa gagwe. Se se nkutlwisang botlhoko ke gore mama o nna a dropiwa kwa lwapeng ke borre ba ba farologanyeng mme ga a nke a supa a tlhajwa ke kgala ka o a bo a iphetisitse nno tagi. Jaanong ke nna ke rweleng boikarabelo jwa go tlhokomela bonnake ba babedi ba basimanyana mme se se dirile gore maduo a me a wele tlase. Mmamalome, nna le bonnake re tshaba go bolelela daddy ka gore fa batsadi ba rona ba ka kgaogana re ka felela re sotlega gongwe daddy a utlwile botlhoko a bo a tloga a dira mama sengwe se se sa siamang.

SETLOGOLO

Setlogolo, ke utlwa botlhoko gore o iphitlhela o rwele maikarabelo a matona ao. O sale ngwana, ga o ise o lekane go rwala maikarabelo a go godisa bana le fa e le one a go boloka lenyalo la batsadi ba gago. Mme ke go gakolola gore o bue le mongwe wa lesika kana mma boipelego gore ba go thuse kgang ya gago.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%