Rraagwe Boago, Serowe
31 May, 2013
BoFacebook ba ntshenyetsa bokamoso jwa ngwana
Mmamalome, dilo tse tsa segompieno tsa boFacebook, My Space, Twitter le bo Whats Up di sentse bokamoso jwa ga ngwanake ka jaana a lebetse gotlhelele ka tiro ya sekole. Dilo tse o di simolotse ngogola fela fa a simolola mophato wa ntlha. Tiro ya gagwe e ne ya wela tlase, mme ka mosetsanyana wa teng a le bofitlha go tsere nako gore re lemoge gore matsapa di a tsaya kae. Bomogolwe ka le bone ba na le boitemogelo jwa bone boFacebook bao, ba ne ba lemoga fa a nna fela a le mo go tsone dilo tse tsa ditsala le nako e dithuto di a bong di tsweletse. Se se ngomolang pelo ke gore le mogala wa letheka ga ke a o mo rekela. Ke lekile go bua le setlogolo sa gago mo ke setseng ke tsholeditse diatla. Ke solofela fa kgakololo ya gago e le yone e tlaa ntswang thuso ka go lebega barutabana ba reteletswe.
SETLOGOLO
Ke nnete gore ditlhabololo di tla le dingwe tse di sa siamang. BoFacebook le tse dingwe ke dilo tse di diretsweng go tokafatsa go tlhaeletsana le ba bangwe. Go botlhokwa gore bana ba rutwe thata ka bodiphatsa jwa go senya nako e ntsi mo go tsone, gammogo le go ba ruta ka gore boFacebook ba siametse go dirisiwa eng. Bana ba ka rutwa gore Facebook e ka dirisiwa go buisana ka dilo tsa sekole le go thusana tiro ya sekole. Gape ke gakolola gore bana ba tshwanetse go letlelewa go dirisa mogala fela ba le mo lapeng. O tshwanetse go tsaya megala mo ngwaneng, o bo o o mo neela sekole se tswa.









                    
                    
