By email, Lobatse
31 May, 2013
A ke dumele a nnyala?
MMAMALOME
Ke mme wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano wa kwa Peleng. Ka bomadimabe mmamalome ke timilwe thari. Ke setse ke tlogetswe ke borre ba ka nna bararo ba botlhe ba neng ba ikemiseditse go nnyala mme se se paledisitswe ke gore ga ke kgone go ima. Ditlhatlhobo tsa bongaka di netefaditse fa ke ka se nne le ngwana gotlhelele. Morago ga go nna ngwaga tse pedi ke itlhobogile, ke bone rre mongwe mme le ene fela jalo a re o batla go nyala. Ke tshaba go mmolelela ka seemo ka gongwe le ene o tloga a tsena ka lenga la seloko. Ditsala tsa me di nkgakolola gore ke ye kwa ga Moporofiti TB Joshua mme ke tshaba gore ke tlaa mo laela ke re ke ya go dirang teng, fa ke ka kgona go tsamaya e be go tla go pala ke tsile go dira jang. A ke dumele a nnyale a sa itse mathata a me kana ke tswe ka maano a go ya go bona moruti pele?
SETLOGOLO
Sengwe sa dilo tse di bakang go thubega ga manyalo ke diphiri. Ke go gakolola gore o nne fa fatshe le mokapelo wa gago o mmolelele nnete, o bo o mo fe sebaka sa gore a ikakanye gore a o ntse o batla go tswelela le go nyala. Go batla thuso kwa baruting kana kae fela ga go na molato mme bolelela mokapelo nnete.









                    
                    
